Via Afrika Setswana Puo Ya Gae

2y ago
862 Views
60 Downloads
1.69 MB
87 Pages
Last View : 1d ago
Last Download : 2m ago
Upload by : Bennett Almond
Transcription

gore ba kgone go itlhagisa sentle fa ba tsena molefatsheng la kgwebo.— Siyabonga Mvakwendlu, Morutabana1. Motseletsele ono o kwadilwe gore o tsamaisane le Pegelo ya Pholisi ya Bosetšhaba ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo(PPBKT) e ka puo ya seeng e itsegeng jaaka Curriculum and Assessment Policy Statement ( CAPS ). Leba tsebe 10 gobona kamoo ditlhokego tsa PPBKT di fitlheletsweng ka teng.2. Go tsenyeleditswe le lenaane la thulaganyetsothuto le o ka le dirisang, maikaelelo ke go go nonofaletsa tiro le go gobolokela nako. Leba tsebe 11 go bona gore le ka go bolokela nako e ntsi go le go kana kang.3. Setlhogo sengwe le sengwe se simolola ka dintlha-kakaretso tsa se se tlileng go rutwa, le didirisiwa tse o tla di tlhokang.Leba tsebe 30 go bona gore seno se ka go thusa jang mo thulaganyong e o tlileng go e dira.4. Go na le kgakololo ka go ipeela lobelo lwa tiro go go thusa go fetsa tiro yotlhe ya ngwaga ka nako.Leba tsebe 32 gobona ka fa seno se ka dirwang ka gone.5. Kgakololo ka go tsenyeletsa dikgopolo le go aga sekefole sa go ithuta (mokgwa wa go ruta wa go belesa barutwanamaikarabelo a go ithuta) di neetswe mo setlhogong sengwe le sengwe. Leba tsebe 33 go bona sekai.6. O neetswe dikarabo tsotlhe go go bolokela nako ya go dira dithutiso ka bowena. Leba tsebe 34 go bona sekai.7. Go tsenyeleditswe gape le CD e e tletseng ka didiriswa go go thusa go ruta le go lekanyetsa. Leba ka fa teng ga tsebeya ka fa pele.Mo bukeng ya morutwana o tla fitlhela diteng tsotlhe tse barutwana ba gago ba tshwanetseng go nna le bokgoni mo go tsone.Buka ya morutwana e kwadilwe ka puo e e tlhaloganyesegang,e e botlhofo, e barutwana ba ka ithutang ka yona. Boalo lethulaganyokgabô e e kgatlhang di tla dira gore kgatlhego ya bone e se ka ya fokotsega le go dira gore o natefelwe ke go ba ruta.Re ka rata go utlwa ditshwaelo tsa gago. Ke eng o sa re bolelele gore go ntse go tsamaya jang ka go re romelela imeile moatereseng ya setswana@viaafrika.com? Kgotsa leba foramo ya rona ya barutabana mo atereseng ya www.viaafrika.com.Language: SetswanaISBN: 978-1-415-43689-99 78 1 4 1 5 436899www.viaafrika.comVia Afrika Setswana Puo ya GaeVia Afrika e tlhaloganya, e anaanela le go ema nokeng seabe sa gago jaaka morutabana. O dira tiro e e botlhokwa fela thatamo go tsa thuto, mme re a lemoga gore maikarabelo a gago a akaretsa go feta fela go ruta. Re dirile bojotlhe jwa rona gogo bolokela nako le go go tlhofofaletsa tiro, e bile re motlotlo go bo re kgona go go thusa go ruta serutwa seno ka katlego.Dilo dingwe ke tseno tse re di dirileng go go thusa mo khosong eno e ntšha-ntšha:Mophato 11 Kaedi ya morutabanaRe naya baithuti ba rona bokgoni jo bo tshwanetsengVia AfrikaSetswana Puo yaGaeMophato 11 Study GuideM.P. Mogapi, K.M. Mbonani, T.M. Aphane, B.P. Lekome,P.C. Mooa, K.M. Mohulatsi

Study GuideVia AfrikaSetswana Puo ya GaeMophato 11

DitengMatseno . .4Ditlhangwa tsa boitlhamedi le tsa tirisano .4Dikgato tsa go kwala .5Tshobokanyo ya dikgato tsa go kwala .6Karolo ya A: ditlhamo .7Karolo ya B: ditlhangwa tsa tirisano .9Makwalo a e seng a semmuso/a botsalano 9Lekwalo la semmuso (la ngongorego) .11Lekwalo la phelegetso .14Lekwaloikitsiso .15Lekwalo la taletso. .18Setlhangwa sa tirisano: athikele ya makasine .20Go kwala mmuisano .22Go kwala puo .24Pegelo 26Dipotsotherisano .28Lenanetema le metsotso ya kopano . 30Tlhatlhobo ya bogare/bofelo jwa ngwaga .35Thanolo ya ditlhangwa tse di kwadilweng le tse di bonwang: dipapatso; dikhathunu leditshwantsho 36Dipapatso .38Dikhathunu .41Ditshwantsho .43Dipopego tsa puo le melawana ya tiriso 462 Via Afrika Publishers 2012

Go kwala tshobokanyo .46Matshwao a puiso .47Popego ya leina .49Dikao tsa mefuta e e farologaneng ya maina .49Tiriso ya maina .50Tlhathobo ya bogare/bofelo jwa ngwaga .51Diponagalo le melawana ya ditlhangwa tsa tlhaeletsano ya molomo .52Go reetsa 53Go reeletsa tshedimosetso e e kgethegileng .53Go reetsa tshekatseko ya tsenelelo le tlhatlhobo 54Go reeletsa kgatlhego le tlhaeletsano le bangwe 54Go bua 55Dingangisano .56Puo e e ipaakanyeditsweng 58Dikopano le mokgwa wa go di tsamaisa .60Go itsise sebui .62Go neela puo ya ditebogo 62Dipuisano tse di sa tlhomamang/motlotlo .63Rejisetara .64Thuto ya dikwalo .65Diponagalo tsa dikwalo 65Poko 66Diaane 76Padi .78Tlhatlhobo ya bogare/bofelo jwa ngwaga .83HULAMO LE TLHATLHOBO (PPKT)3 Via Afrika Publishers 2012

1. MATSENOKaedi e e tlhagisa tlhaloso e khutshwane ka ga dikgato tsa go kwala (processwriting) le go tlhagisa. Gape e abelana ka kaedi le dintlha tsa botlhokwa tsa go rutale go tlhagisa mefuta ya ditlhamo, ditlhangwa tsa tirisano (seno se akaretsa le dikaotsa tsona), dipopego tsa puo le melawana ya tiriso, thanolo ya ditlhangwapono,tshekatsheko ya ditlhangwa tsa dikwalo le ditlhatlhobo.Ditlhangwa tsa boitlhamedi le tsa tirisanoTlhokomela dintlha tse: Barutwana ba tshwanetse go kwala kgapetsakgapetsa. Dikwalwa tsa ditiragalotsa letsatsi le letsatsi, tse di sa lekanyetsweng semmuso ke didiriswa tse dibotlhokwa mo go rotloetseng barutwana go kwala. Go le gantsi barutwana batshwanetse go newa tšhono ya go kwala ka kgololosego ba sa lekanyediwe. Mo dikwalong tse dintsi tsa semmuso, barutabana ba gakololwa go lekanyetsabokgoni jo bo rileng pele. Sekao; bokgoni jotlhe jwa tirisopuo ga bo a tshwanelago lebelelwa mo kgatong nngwe le nngwe ya kwalo ya setlhangwa ka se se setsese dirilwe kwa morago. Se, se ne se dira gore bokgoni jwa go tlhabolola go kwalabo itlhokomolosiwe ka go ne go tlhokega tekanyetso e e tseneletseng. Barutwana ba tshwanetse go ithuta go baakanya diphoso mo tirong ya babangwe ka gonne tirisano ya bone e le karolo e e botlhokwa mo tsweletsong yago kwala mme e tokafatsa maitemogelo a bone botlhe. Karolo e e botlhokwa ya poelo e, ke tlhagiso ya tiro e e kwadilweng. Tiro e e kabontshwa barutwana ba bangwe, barutabana, sekolo sotlhe, batsadi kgotsabatsayakarolo ba ba farologaneng. Moithuti o tla itumelela setlhangwa se sefeletseng, se rulagantswe/ kwadilwe ka bokgabane. Barutwana ba tshwanetse go itsisiwe ka diponagalo le ditlhokego tsa mefuta e efarologaneng ya ditlhangwa tsa boitlhamedi le tsa tirisano. Tlhaloso ekhutshwane ya mefuta ya ditlhamo le ditlhangwa tsa tirisano tse moithuti asolofelwang go di kwala e latela fa tlase fa:4 Via Afrika Publishers 2012

Dikgato tsa go kwalaKwalo le botlhami ke tiro e e dirwang ka dikgato. Go botlhokwa go naya barutwanatšhono ya go diragatsa kwalo e go ya ka dikgato tsotlhe tsa yona.Dikgato tsa go kwalaBarutwana ba tshwanetse go dira tse di latelang ka nako ya go kwala.Go dira paakanyetsotiro Tsaya tshwetso ka maitlhomo le baamogedi ba setlhangwa se se tshwanetsenggo kwalwa. Tlhomamisa sebopego, mokgwa le ntlhakemo. Kokoanya dikakanyo o dirisa, sekao, thulaganyo ya dintlha kgotsa mananeo. Lebelela metswedi e e maleba, tlhopha tshedimosetso e e maleba.Go kwala ditlhangwa tsa ntlha Dirisa dintlhakgolo le dikakanyo tse di tlaleletsang ka tsenelelo go tswa mokgatong ya ipaakanyetsotiro. Tlhagisa ditlhangwa tsa ntlha o lebeletse maitlhomo, bareetsi, setlhogo lemofutakwalo. Buisa ditlhangwa tsa ntlha ka tsenelelo o be o tseye ditshwaelo go tswa mo goba bangwe (barutwana-ka-wena). Tsaya tshwetso ka tlhopho ya mafoko o dirisa mafoko a a maleba, a a tlhalosang,dipolelo le ditlhagiso gore go kwala go buisege. Tlhomamisa lentswe (dikakanyo/maikutlo) le le lemosegang le mokgwa ka golebaganya puo le lentswe go tshwanela bareetsi le maitlhomo a go kwala. Supa ntlhakemo ka go tlhalosa meetlo, ditumelo le maitemogelo. Akaretsa dintlha tse di rileng tsa setlhangwa se se tlhokegang (tiriso dinopolo,gotshegetsa le go rotloetsa ngangisano).5 Via Afrika Publishers 2012

Go boeletsa, go tseleganya, go tlhotlha diphoso le go tlhagisa Dirisa dintlha tse di neetsweng go atlhola ka kakaretso tiro ya mong le ya babangwe gore e tokafadiwe. Siamisa tlhopho ya mafoko, popego ya polelo le ya temana (tsenyatshedimosetso ya tlaleletso, o dirisa mafoko a a maleba). Tlhagisa dikwalo tse dintsi fa a ntse a ipaakanya, a boeletsa Tlosa puo e e bokaobontsi, ya ka gale, ya tlaopo le puo e e fatlhang. Tlhatlhoba diteng, mokgwa le rejisetara. Dirisa matshwao a puiso, mopeleto le dipopego tsa puo ka tsela e e siamenggape e le maleba. Rulaganya setlhangwa sa bofelo. Tlhagisa setlhangwa se se feletseng ka go refosana dikakanyo le barutwana babangwe, batsadi le batsayakarolo ba bangwe Lebelela gape le go tlhatlhoba setlhangwa se se feletseng ka boena le ka thusoya barutwana ba bangwe le morutabana; Go tlhagisa setlhangwa se se feletseng ka go thusana le balekane, barutabana,batsadi le batsayakarolo ba bangwe.Tshobokanyo ya dikgato tsa go kwala12. Sekasekasetlhogo3. Kwalalefoko labotlhokwamo gare gapampiriDitaelo5. Kwala dipolelo9.Tseleganyatiro ya gago6. Tlhophadikakanyotse obatlang gokwala katsona7. Kwala dikakanyomo mmepeng wagago wa tlhaloganyo10. Kwalasetlhangwasa bofelo6 Via Afrika Publishers 20124.Kgobokanyadikakanyo8. Kwaladitlhangwa tsantlha

1. Karolo ya A: ditlhamoLo tlaa newa ditlhogo tsa ditlhamo le ditshwantsho go itlhophela se o ka kwalangtlhamo ka sona. Fa o neilwe setshwantsho go kwala tlhamo ka sona, o tshwanetsego ipopela setlhogo se se amanang le setshwantsho seo go kwala ka sona. Dintlhatse o tshwanetseng go di tlhokomela go ya ka mefuta e e farologaneng ya ditlhamotse di tlhaoletsweng mophato o ke tse di a latela:Tlhamo ya ngangisano, e e sa tseyeng letlhakore le maitlhomoDitlhamo tsa ngangisano di tlhagisa kganetsano mo go dumeleng le mo goganetseng sengwe (‘goreng ke dumela gore basadi ba na le maatla go gaisabanna?’); Ditlhamo tse di sa tseyeng letlhakore di tlhagisa ngangisano e elekalekanang go emela kgotsa go nna kgatlhanong le sengwe se setlhogo se buangka ga sona, kemo ya mokwadi e tlhagisiwa fela kwa bokhutlong. (‘A basadi bamaatla go feta banna?);Ditlhamo tsa maitlhomo di tlhagisa setlhopha sa megopolo le dikakanyo kasetlhogo, go se maikaelelo ape a go ganetsana go ya ka letlhakore lengwe (‘mosadiwa segompieno: megopolo ya me’).Ditlhamo tsa ngangisano di ganetswa go tswa mo kemong ya mmui; tshireletsokgotsa tlhaselo e tsepame fela go itshupa gore e letlhakore le lengwe; bokhutlo boitshupa sentle gore kemo ya mokwadi e fa kae.Ditlhamo tse di sa tseyeng letlhakore di itshupa di lekalekana, le go tlhagisamatlhakore a a farologaneng a ngangisano e e rileng; popego e rulagane kakelotlhoko le ka tlhomamo; e lebeletse kemo ya botlhe, fela mokwadi a ka itebelelaka dinako dingwe; ka puo e e tsosang maikutlo e kgonagala, ngangisano e etswileng diatla gantsi e a fenya ka ntlha ya gore e dira tlhaloganyo e e utlwalang.Bokhutlo bo supa kemo ya mokwadi sentle.PEGELOYA PHOLISI YA KHARIKHULAMO LE TLHATLHOBO (PPKT)7 Via Afrika Publishers 2012

Ditlhamo tsa maitlhomo di tlhagisa kakanyo, tlhaloganyo, megopolo le maikutlo amokwadi mo setlhogong se se rileng, e le selo sengwe se a dumelang thata mo gosona. Gantsi e lebile mokwadi ka namana go feta dikakanyo tsa gagwe; e tlhokapopego e e tseetsweng matsapa, fela ga e patelesege go tlhagisa bokhutlo jo botlhamaletseng, kgotsa gona go tlhagisa mmuisano o o tsepameng, le fa gona ekgona go dira jalo. E ka kgatlhisa kgotsa ya tsepama thata.Dintlha tsa tlhokomelo1. Ditlhamo tsa ngangisano di ganetswa go tswa mo kemong ya mmui; tshireletsokgotsa tlhaselo e tsepame fela go itshupa gore e letlhakore le lengwe; bokhutlobo itshupa sentle gore kemo ya mokwadi e fa kae. Simolola tlhamo ka go tlhagisa ntlhakemo ya gago Puo e dirisiwa ka maikutlo fela mmui a se ke a tlhoka maitseo, Mokwadi o tlaa leba thata dintlha tse di kgatlhanong.Tlhopho ya mafoko: mokwadi o tshwanetse go tlhopha mafoko sentle ka go dirisa puo e e tlhamaletseng gore ba setlhopha sa kganetso ba kgone go gotlhaloganya. Dingangisano di dirisa puo ya maikutlo, ya tlhotlheletso, e enaganelang letlhakoreng le lengwe le e e digelang thata ka mmui o a bo aleka go pateletsa bareetsi go dumalana le ena. Dirisa metswedi yatshedimosetso go tlhopha tlotlofoko e e matshwanedi. Go kwala temana: Kwala dikarolo tse di farologaneng tsa ditemana:Setlhogo, dikakanyokgolo le tse di tshegetsang, matseno a a kgatlhisang,mmele le bokhutlo. Go nne le tatelano e e maleba Temana ya bokhutlo: Temana ya bokhutlo e tshwanetse go tlogela mmuisika kakanyo kgotsa kgopolo e e tla nnang le ena lobaka lo lo leele morago gatlhamo e sena go buisiwa. Go tlhaloganya rejisetara le setaele: Dirisa rejisetara e e maleba e etlhamaletseng. Bua ka tlhamalalo le mmuisi ka tsela e e dirang gore a ikutlweo bua le ena.8 Via Afrika Publishers 2012

Kwala ka tokologo le go itshepa, o se ke wa kopa maitshwarelo a kemo e o e tshotseng. Dirisa dintlhakemo tse di farologaneng fela fa go tlhokega. Melawana ya puo: tlhokomela tiriso ya matshwaopuiso mo tirwaneng e efetileng.2. Karolo ya B: Ditlhangwa tsa tirisanoBarutwana ba mophato wa 11 ba tshwanetse go itse go kwala mefuta e efarologaneng ya ditlhangwa tsa tirisano tse di telele. Ka jalo go botlhokwa go ithutaditlhangwa tse ka ntlha ya gore fa o itse kagego ya tsona le puo e e maleba yatsona, ba tla dira sentle mo pampiring ya boraro. Ditlhangwa tsa tirisano ke tseo di alatela:Makwalo a e seng a semmuso/a botsalanoMakwalo a e seng a semmuso a ka kwalelwa, gareng ga tse dingwe, go: leboga utlwela botlhoko eleletsa masego kwalela tsala kgotsa mongwe wa ba losika –o tlotla fela tiragalo nngwe e erileng. keleletsomasego.9 Via Afrika Publishers 2012

Sekao sakagego ya lekwalo la botsalano:Sekao sa letlhomeso la lekwalo la botsalano ke seo se a latela:P.O Box 10089Aterese yaLichtenburgmokwadi le274011Ngwanatsele 2011letlha lelekwalo lekwadilweng -----------------------------------O tlola molaMasegoDitumediso --------------------------------------------di repilengO tlola molaTemana yamatsenoO tlola ----------------------------------------O tlola molaMadume go botlhe kooBokhutlo jo --------------------------------------repilengO tlola ----------------------------------------Ke nnaLeina laBoitumelomokwadi10 Via Afrika Publishers 2012

Tlhokomela dintlha tse di latelang: Dirisa rejisetara le setaele sa puo se se repileng. Rejisetara yona ke go repa kana go gagamala ga puo. Sekao, fa o bua le tsalaya gago o dirisa puo e e repileng, ga o tlhophe mafoko mme fa o bua le mogokgowa sekolo sa gago o dirisa puo e e gagametseng. Sala dikgato tsa go kwala morago, tsona ke tse: go dira paakanyetsotiro,ditlhangwa tsa ntlha, poeletso, tseleganyo, go tlhotlha diphoso le tlhagiso.Dintlha tse dingwe tse o tshwanetseng go di tlhokomela ke tse di a latela: Go aga polelo ka nako ya go kwala lekwalo: Tlhokomela gore o dirisadipolenolo, makopanyi, maemedi le dithuanyi ka nepagalo go aga dipolelo tsedi nepagetseng. Go kwala temana: Tlhokomela gore temana e nngwe le e nngwe e na lentlhakgolo/kakanyo ya yona. Lekwalo la gago le nne le tatelano e e maleba. Kwala ka puo e e bonolo e e tshelang. Le nne le matseno, mmele le bokhutlo. Le nne le aterese e le nngwe ya mokwadi, ka letlha le lekwalo le kwadilwengka lona (fa tlase ga aterese) Le nne le ditumediso tse di repileng tse di tlang fa morago ga aterese yamokwadi. Bokhutlo bo repile le go salwa morago ke leina la mokwadi.Lekwalo la semmuso (la ngongorego)Go a tlhokega mo botshelong gore ka dinako dingwe motho a golagane le batho baba gaufi kgotsa ba ba kgakala le ena ka tlhaeletsano ya lekwalo. O ka golagana lesetheo sengwe ka maikaelelo a go tlhagisa ngongorego mabapi le sengwe. Montlheng e, o tshwanetse go dirisa lekwalo la semmuso, go kwalela setheo se obatlang go tlhagisa ngongorego ya gago ka ga sengwe kwa go sona.11 Via Afrika Publishers 2012

Dintlha tsa tlhokomelo Lekwalo le, le tshwanetse go nna le diaterese di le pedi, ya mokwadi, e ekwalelwang kwa godimo mo letsogong la moja, le ya mokwalelwa, e e kwalwangmo letsogong la molema morago ga go tlola mola fa go se na go kwalwa yamokwadi. Ditumediso e nne tse di tlhomameng, sekao; Motlotlegi, Rra, Mma jalo le jalo. Ditumediso di kwalwa fa tlase ga aterese ya mokwalelwa morago ga go tlolamola. Setlhogo sa lekwalo se kwalwa fa tlase ga ditumediso morago ga go tlola molamme se tshwanetswe go thalelwa fa se kwadilwe ka ditlhaka tse dinnye. Lekwalo le, ke le le khutshwane, gakologela go kwala ka mokgwa o o tla diranggore baamogedi ba tshedimosetso ya lona ba le tlhaloganye ka nepo, ba tle baneelane ka tsibogo e e maleba, e e amogelesegang. Kwala o tlhamaletse kwa ntlheng, o tlhagise fela se o batlang tharabololo yasona. Lekwalo le ka ntlha ya fa e le la semmuso, puo, moono le segalo tsa lona etshwanetse ya nna tse di tlhomameng e bile di supa fa mokwadi a le boingotlo. Supa rejisetara e e tlhamaletseng ya puo, rejisetara e, e se nne e e repileng gotshwana le e e dirisiwang fa go kwalwa lekwalo la botsalano ka gonne fa okwalela mongwe wa maemo a a rileng, o ka tswa o mo itse kgotsa o sa mo itse. O ka nna wa kwala dinomoro tsa mogala kwa o ka fitlhelwang gone fa e le gorego ka tlhokega gore o neelana ka tshedimosetso nngwe e e rileng mo godimo gae o neelaneng ka yona. Supa bokhutlo jo bo tlhomameng bo latelwa ke sefane le ditlhakaina tsa gago. Sala dikgato tsa go kwala morago, e leng: go dira paakanyetsotiro, sekwalwa santlha, poeletso, tseleganyo, go tlhotlha diphoso le tlhagiso.22Sekao sa lekwalo la ngongoregoP. O. Box 9587Meridianburg029917 Diphalane 201312 Via Afrika Publishers 2012

MotsamaisiLekgotlatoropo la Ditsobotla139 Tsela ya Thabo MbekiGaetsho2677Rra/ Mma/MotlotlegiNGONGOREGO MABAPI LE BOIMANA BA BANA BA PORAEMARIKe kwala jaana go ngongorega mabapi le maitsholo a bagolo mo baneng baporaemari. Bana ba, ba sa le bannye go ka ima ka ba se na maitemogelo a a kalo kabotshelo.Batho ba ba imisang bana ba, ba gatelela ditshwanelo tsa bona e bile seno kemokgwa mongwe wa tsholo e e makgwakgwa e ba e itemogelang. Go utlwisabotlhoko go bona sekolo se sa supe kgatlhego epe ya go bega badiri ba kwasepodising. A lebaka la kgogo e, ya dinao ke ka gobo bangwe ba bagami ba tiro e esetlhogo e, e le barutabana ba sekolo se bana ba ba tsenang mo go sona? Alefapha la thuto le tila go ba tseela dikgato maikaelelo e le go sireletsa tiro ya bona?Pabalesego ya bana mo diatleng tsa barutabana e a tlhobaetsa. Go betelelwa kemotho yo o mo tlase ga tlhokomelo le tataiso ya gagwe ga go monate le e seng.Maitsh

Language: Setswana Via Afrika Setswana Puo ya Gae Mophato 11 Study Guide M.P. Mogapi, K.M. Mbonani, T.M. Aphane, B.P. Lekome, P.C. Mooa, K.M. Mohulatsi Mophato 11 Kaedi ya morutabana Via Afrika Setswana Puo ya Gae — Siyabonga Mvakwendlu, Morutabana Re naya baithuti ba rona bokgoni jo bo tshwanetseng gore ba kgone go itlhagisa sentle fa ba .

Related Documents:

Lexikos 14 (AFRILEX-reeks/series 14: 2004) 158-172 Revising Matumo's Setswana– English–Setswana Dictionary D.J. Prinsloo, Department of African Languages, University of Pretoria, Pretoria, Republic of South Africa (danie.prinsloo@up.ac.za) Abstract: The aim of this article is to design a revision strategy for the Setswana to English side of the Setswana–English–Setswana Dictionary .

9.6sesotho puo ya lapeng p3 122 9.7tshekatsheko ya pampiri ya 3 122 kgaolo 10: setswana puo ya gae 125 10.1mokgwa wa tiragatso: dipampiri tsa 1-3 (2014-2018) 125 papetlana 10.1.1: diphitlhelelokakaretso tsa setswana puo ya gae 125 kerafo ya 10.1.1: diphitlhelelokakaretso tsa setswana puo ya gae 125

papetlana 10.1.1: diphitlhelelokakaretso tsa setswana puo ya gae .120 kerafo ya 10.1.1: diphitlhelelokakaretso tsa setswana puo ya gae .120 kerafo ya 10.1.2: tshupo ya phatlalatso ya tiragatso (setswana puo ya gae:

Setswana 7 Setswana Readers 8 Reference Books 0 Breakthrough to Setswana Standards 5 – 7 Agriculture 2 Creative and Performing Arts 3 English 4 Guidance and Counselling 5 Mathematics The highlights of this series are: 6 Religious and Moral Education 7 Science 8 Setswana 9 Setswana Readers 20 Social Studies 2 Reference .

KAROLO C – Maboko . KAROLO D – Thutapuo . Araba dipotso tsotlhe. 3. Araba dipotso tsotlhe ka Setswana, mme o dirise mopeleto le mareo a a kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. 4. Botswerere mo kwalong, peong ya mabaka le mo thulaganyong ya dintlha, di tlaa go tswela molemo. 5. Botlhaswa le mokwalo o o sa buisegeng di tlaa .

SETSWANA PAMPIRI YA NTLHA TEKATLHALOGANYO . TIRISO YA PUO: POTSO 3, 4 le 5 . SETSWANA PUO YA GAE LEFOKO TLHALOSO Baamogedi bareetsi, babogedi, babuisi ba mefuta e e farologaneng ya tlhaeletsano ka kakaretso. Baanelwa batho ba mokwadi wa porosa a anelang ditiragalo tsa padi, khutshwe

Monna yo e ne e mokwadi wa dibuka tsa puo ya gaetsho ya Setswana; o ne a ipela ka leleme la Setswana ebile e le moitseanape wa puo le meetlo ya Setswana. Mo go ene, re ne re itse gore re na le petleke ya malemela gotlhe fa go tliwa ka fa

The development of tourism in natural areas (adventure tourism, ecotourism, rural tourism, etc.) necessarily raises the question of the environmental protection of these areas. Current status of nature conservation & biodiversity Ecotourism as a way to make tourism based on the desire to discover nature and to respect, preserve and enhance the natural balance and cultural places and local .