SETSWANA - Desd.nwpg.gov.za

3y ago
935 Views
37 Downloads
345.72 KB
5 Pages
Last View : Today
Last Download : 3m ago
Upload by : Harley Spears
Transcription

SETSWANAPAMPIRI YA NTLHATEKATLHALOGANYO Buisa tekatlhaloganyo makgetlo a le mararo go fitlhelela molaetsa.Buisa dipotso ka tsenelelo go bona gore potso e batla eng.Boela gape kwa temaneng go batla dikarabo tse di maleba.Lebelela temana o batle mafoko a adirisitsweng mo potsong gore o kgone go bonakaraboBuisa mela le temana mo potso e tswang gona mme o batle karabo gona.Ka dinako tsotlhe tshegetsa ka lebaka fa o kopiwa go dira jalo. Lebaka la gago letsamaisane le se go buiwang ka ga sona mo temaneng.Potso ya maikutlo le semelo di tshegediwe ka tiragalo go tswa mo temaneng.Tlhokomela tiragalo e temana le setshwantsho di e tlhagisang kgotsa di buang ka gayona.TSHOBOKANYO Buisa temana makgetlo a le mararo go fitlhelela moonomogolo wa temana.Morago ba thalele dintlhakgolo tse potso e di tlhokangKwalolola dintlha tseo ka tsela e e tshwanetseng mme ba leke ka bojotlhe go dirisamafoko a bona. Fa o dirisa mafoko a gago tlhalosa mareo a a tlhokang go tlhalosiwa kgotsa dirisamakaelagongwe boemong jwa mafoko mangwe. ET: kaedi ya go tshwaya e abamaduo a go dirisa mafoko a gago. Se tsenye dintlha di le pedi mo polelong e le nngwe. Kwala palo ya mafoko.ELATLHOKO: Mafoko a a ntshofaditsweng mo potsong a tshwere potso ya gore o ntshadintlha dife go sobokanya. Tshobokanyo e kwadiwa ka temana.TIRISO YA PUO: POTSO 3, 4 le 5KHATHUNU LE PAPATSO Buisa tshedimosetso nngwe le nngwe e e tlhagelelang mo ditlhangweng tse.Lemoga puo ya mmele e e dirisitsweng.Ka gale tiriso ya puo e a tlhagelela mo ditlhangweng tse mme o tshwanetse go elemoga.ITHUTE DipopegopuoIthute tiriso ya dipopego tsa puo mme o itse dikao tsa tengoSediri

o Sedirwao Thuio Tlhalosi ya kopanelo, sediriso, felo, sediragatsiKganetso le tumeloTiri le tirwaPuosebui le puopegelopolelopatePAMPIRI YA BOBEDIDIKWALOTLHAMO: POKO, PADI LE TERAMA thalela mafoko a a botlhokwa go tswa mo potsongnetefatsa gore o tlhaloganya se potso e se tlhokangKgobokanya dintlha mabapi le setlhogoELATLHOKO:POPEGO: Tlhamo e kwalwe ka ditemana e seng ka dintlha. Ruboriki e aba maduo aakagego.MATSENO A TLHAMO bolela setlhogo gape kgotsa o se itsise,tlhalosa setlhogo ka botlalo ka dikao tsa ditiragalo tse di maleba.MMELE Tsepama mo go se se boditsweng! Se kwale ka maitemogelo a gago a botshelo fa o sakopiwa go dira jalo.Diteng di golagane le se potso e se batlang. O se ke wa kwala dintlha tse dingwe tsedi sa tlhokegeng le fa e ntse e le ditiragalo tsa buka.O se ka wa kwalolola buka.Tshegetsa dikakanyo ka ditiragalo go tswa mo bukengTlhagisa maikutlo a mokwadi fa o kopilwe go dira jaloDirisa ditemana gape o kwale boleele jo bo lebeletsweng.Dirisa menatetshapuo e e maleba le ditiragalo tsa buka.ELATLHOKO:Diteng tsa tlhamo di tlhatlhobiwa go lebeletswe thanolo ya setlhogo, boteng jwangangisano, go fa mabaka le go tlhaloganya setlhangwa. Tatelano e e elelang le kgolaganoya ditiragalo.Gangwe le gape kwala temana mme o boele kwa potsong gore a o arabile go ya ka potsoTlhokomela nako e e abetsweng potso e. Boleele jo bo solofetsweng jwa tlhamo elwetlhoko.

BOKHUTLO Tlhamo e tshwanetse go felela ka bokhutlo jo bo malebakonosetsa tlhamo ya gago ka polelo / ka seane se se malebaBokhutlo bo nyalane/golagane le matsenoDIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE Tshegetsa potso ya maikutlo ka lebakaTshegetsa semelo ka ditiragaloTshegetsa sekapuo ka tiragalo kana mosola wa sona.Tshegetsa mosola wa diponagalo tsa poko. Sekao:ooMosola wa tlogelo ke go tlisa go kibakibela ga lebelo la leboko/ go oketsalebelo la moribo le merethetho mo moleng.Neeletsano – go tsweletsa kakanyo mo moleng o o latelang jaaka lefoko le letswelela mo moleng o o latelangPAMPIRI YA BORAROTLHAMO YA BOITLHAMEDI Tlhokomela gore ka metlha o thala letlhomeso la tlhamo ya gago. Setlhangwa santlha se botlhokwa. Se kwale o siamise diphoso tse di mo go sona o bo o thala molago se ralala go supa fa e le setlhangwa sa ntlha. Jaanong o ka kwala setlhangwa sabofelo. ET: Ruboriki e aba maduo a ipaakanyo. Matseno a tlhamo ya gago a ngoke. Itsise le go tlhalosa setlhogo sa gago motemaneng ya matseno. Dirisa ditemana go kwala tlhamo. Ditemana di se ke tsa nna ditelele thata. Simololadipolelo tse dišwa ka ditlhakakgolo. Efoga go dirisa dipolelo tse ditelele.Menatetshapuo e nne gona mme e nne maleba le setlhogo le diteng. Se simololedipolelo ka makoponyi. ET: Ruboriki e aba maduo a kagego. Bokhutlo bo nne maleba. Tlhagisa maikutlo a gago mabapi le setlhogo le diteng. O kakhutlisa tlhamo ka seane se se maleba. Bokhutlo go tsamaisane le matseno. Tlhotlha diphoso tsa bofelo. ET: Ruboriki e aba maduo a tlhamo e e se nangdiphoso. SETSWANA PUO YA GAELEFOKOTLHALOSOBaamogedibareetsi, babogedi, babuisi ba mefuta e e farologaneng ya tlhaeletsanoka kakaretso.

Baanelwabatho ba mokwadi wa porosa a anelang ditiragalo tsa padi, khutshwekgotsa setlhangwa sa setso ka ga bona,Boanediditlhaloso le dikarologantsho tsa baanelwaBodiragatsigo tsaya karolo mo motshamekong, sekao, terama.boitshimololediboikakanyetsi jwa moithuti ka nosi jo bo kgethegileng, a bo ithaetsego tlhagisa kitso ya gagweBokao jo botlhamaletsengtiriso e e tlhamaletseng, e e golaganngwang le se se umakiwang/ sese totilweng, go se na bofitlha bope jo bo ka fiwang mafoko.Bokao jwa papisoBotshwantshigo dirisa sengwe o tlhagisa bokao jwa sona bo kuname bo satlhalosege bo le tlhôlôlô. Bokao jo bo tlhagisiwang bo se thôôthôô kabo emela kgotsa bo ka golaganngwa le sengwe.tiriso ya puo e e sa tlhamalalang, e e dirisang dikapuo jaakatshwantshiso, tshwantshanyo, mothofatso, jalo jalo, go thusa go takasetshwantsho se se rileng mo tlhaloganyong ya mmuisi/moamogedi. Puo ya botshwantshi – puo e e tsenyeletsang maele,diane le manatetshapuo a mangwe jaaka mainamafatshwa.dikaelo tsa seralamafoko a a mo masakaneng a a kwadilweng ka ditlhaka tse disekameng tse di supang se modiragatsi a se buiwang le se a tla sedirangdikarolo tsa polelodikarolwana tse di bopang polelo jk, sediri, sedirwa, letiro,dipolelwanakaladingangisanodikganetsano tse mo go tsona go nang le matlhakore a le mabedi babangwe ba dumelana le ntlha ba bangwe ba e ganetsadiponagalodilo dingwe tse di itlhophileng tse di tlhaolang se sengwe go sesengwe jaaka poko e farologana le padi. Sekao; Diponagalo tsa lebokoke: ditemana, dipoeletso, moribo, morumo, jj.Ditlhangwa tsa ntlhake dikwalo tse di kwalwang la ntlha go intshiamisetsa sekwalo sabofelo. Di thusa go fokotsa diphoso.lebelela ka tsenelelolebelela setlhangwa kgotsa go se sekaseka ka maitlhomo a go bonabokao jo bo fitlhegileng le go le tlhaloganya.Kagegothulaganyo ya setlhangwa go ya ka popego, bogolo

Maitshetlegoa nako le lefelo – boalo jotlhe jo bo kwa morago jwa tiragatso ya tirojo bo akaretsang lefelo, sebaka sa nako, motlha wa ditiragalo, dinnetetsa loago, sepolotiki gongwe tsa semowa.Makwalwatshwanamafoko a a kwalwang ka go tshwana fela a sa dume ka go tshwana ebile a farologana ka bokao, sekao: (i) tshela – wa botshelo le tshela –wa go tshela metsi, (ii) nama – e le sejo le nama – ya go phuthololamaotoMASEGO LE KATLEGO MO DITLHATLHOBONG TSA GAGO!

SETSWANA PAMPIRI YA NTLHA TEKATLHALOGANYO . TIRISO YA PUO: POTSO 3, 4 le 5 . SETSWANA PUO YA GAE LEFOKO TLHALOSO Baamogedi bareetsi, babogedi, babuisi ba mefuta e e farologaneng ya tlhaeletsano ka kakaretso. Baanelwa batho ba mokwadi wa porosa a anelang ditiragalo tsa padi, khutshwe

Related Documents:

Lexikos 14 (AFRILEX-reeks/series 14: 2004) 158-172 Revising Matumo's Setswana– English–Setswana Dictionary D.J. Prinsloo, Department of African Languages, University of Pretoria, Pretoria, Republic of South Africa (danie.prinsloo@up.ac.za) Abstract: The aim of this article is to design a revision strategy for the Setswana to English side of the Setswana–English–Setswana Dictionary .

Setswana 7 Setswana Readers 8 Reference Books 0 Breakthrough to Setswana Standards 5 – 7 Agriculture 2 Creative and Performing Arts 3 English 4 Guidance and Counselling 5 Mathematics The highlights of this series are: 6 Religious and Moral Education 7 Science 8 Setswana 9 Setswana Readers 20 Social Studies 2 Reference .

KAROLO C – Maboko . KAROLO D – Thutapuo . Araba dipotso tsotlhe. 3. Araba dipotso tsotlhe ka Setswana, mme o dirise mopeleto le mareo a a kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. 4. Botswerere mo kwalong, peong ya mabaka le mo thulaganyong ya dintlha, di tlaa go tswela molemo. 5. Botlhaswa le mokwalo o o sa buisegeng di tlaa .

Language: Setswana Via Afrika Setswana Puo ya Gae Mophato 11 Study Guide M.P. Mogapi, K.M. Mbonani, T.M. Aphane, B.P. Lekome, P.C. Mooa, K.M. Mohulatsi Mophato 11 Kaedi ya morutabana Via Afrika Setswana Puo ya Gae — Siyabonga Mvakwendlu, Morutabana Re naya baithuti ba rona bokgoni jo bo tshwanetseng gore ba kgone go itlhagisa sentle fa ba .

Setswana Bible as translated by Robert Moffat. Ephesians 5:21–24 in the Setswana Bible thus reads: Go utluana mo poihoñ ea Morimo. Lona basari, utluañ banona ba lona, yaka Morèna. Go ne monona ke tlogo ea mosari, yaka Keresete e le tlogo ya ekelesia mi ki éna muluki oa melc. Ki gona yaka ekelesia e utlua Keresete, le bona bane yalo mo .

Bible translator, because there are still inherent problematic mismatches between the two sets of contexts. The Setswana language Setswana belongs to the Sotho-Tswana language group, which comprises Setswana, Southern Sotho, Northern Sotho and Lozi (cf. Chebanne et al. 2003:3; Cole 1955:xv; Kruger 2006:3).

9.6sesotho puo ya lapeng p3 122 9.7tshekatsheko ya pampiri ya 3 122 kgaolo 10: setswana puo ya gae 125 10.1mokgwa wa tiragatso: dipampiri tsa 1-3 (2014-2018) 125 papetlana 10.1.1: diphitlhelelokakaretso tsa setswana puo ya gae 125 kerafo ya 10.1.1: diphitlhelelokakaretso tsa setswana puo ya gae 125

Academic writing styles can vary from journal to journal, so you have to check each publication’s guide for writers and follow it carefully and/ or copy other papers in it. Academic writing titles cultural differences and useful phrases Academic papers often have a title with two parts. If the title of an academic paper has two parts, the two parts are usually separated by a colon .